Ketapele
Thuso ya batho ka madi, ke go duelwa ga lotseno ke puso go batlhoki go ya ka mefuta ya dithuso tse di farologaneng. Dithuso tse tsa puso, di duelwa ke ba ga South African Social Security Agency go: bagodi; batho ba ba nang le bogole; bagale ba ntwa; batlhokomedi ba bana ba ba naleng bogole; bana ba e leng dikhutsana; thuso ya go tlhokomela bana;
motho yo o tlhokang thuso ya motho o
mongwe; le namolwa ga batho mo kgatelelong.
Go simolola ka 2006 ka kgwedi ya Moranang e tlhola, puso e ne ya abela South African Social Security Agency maikarabelo a botsamaisi, tsamaiso le tuelo ya dithuso go batho ka madi.
SASSA ke setheo sa Karolo ya 3A ya lekgotla la batho, se se tsepameng se maikaelelo a sone e leng go netefatsa gore
puso e duela thuso ya madi e e tshwanetseng, go motho yo o tshwanetseng, kwa lefelong le le siametseng motho yoo amogelang dithuso tseo.
Mefutayadithusotsamadi tsa puso
Thuso ya Batho e newa e le ya mofuta wa:
- Thuso ya puso go bagodi;
- Thuso ya puso go batho ba ba nang le bogole;
- Thuso ya puso go bagale ba ntwa;
- Thuso ya puso go batlhokomedi;
- Thuso ya puso go bana ba e leng dikhutsana;
- Thuso ya puso go tlhokomelo bana;
- Thuso ya puso go thusa yoo o tlhokang go thusiwa;
- Thuso ya puso go namola batho mo kgatelelong.
Ditlhokegotsagodirakopo
DithusotsaPusoka Madi
Thusoya Pusoka Madiya bagodi
Modirakopo:
- o tshwanetse a bo a le moagi wa Afrika Borwa kgotsa a nale tetla ya go nnela ruri mono
- o tshwanetse a bo a nna mo Afrika Borwa
- o tshwanetse a bo a le dingwaga di le 60 kgotsa go feta.
- fa a nale letseno, le tshwanetse go lekana le selekanyetso sa letseno se se beilweng;
- o tshwanetse a bo a sa tlamelwe kgotsa go tlhokomelwa mo Sstheong sengwe sa puso;
- o tshwanetse a bo a sa amogele thuso e nngwe ya madi ya puso e le ya gagwe ka sebele;
ThusoyaPusogobathobabanang le bogole
Modirakopo:
- o tshwanetse a bo a le moagi wa Afrika Borwa kgotsa a na le tetla ya go nnela ruri mono kgotsa a le motshabi;
- o tshwanetse a bo a nna mo Afrika Borwa
- o tshwanetse go nna magareng ga dingwaga di le 18 go ya go 59.
- o tshwanete go naya pego ya ngaka ya kalafi ya gagwe e e netefatsang gore ga a itekanela mo mmeleng
- Tshekatsheko ya ngaka e tshwanetse ya bo e sa fete dikgwedi tse 3 ka nako ya kopo.
- le molekane wa gagwe ba tshwanetse gore lotseno la bone lo tsamaisane le Lenaane la Lotseno
- o tshwanetse a bo a sa tlamelwe kgotsa go tlhokomelwa mo setheong se sengwe sa Ppso;
- O tshwanetse go neelana ka bukana-boitshupo ya baakhouto ya dinomoro di le 13.
ThusoyapusogoBagalebaNtwa
Modirakopo
- o tshwanetse a bo a le moagi wa Afrika Borwa kgotsa o na le tetla ya go nnela leruri mono
- o tshwanetse a bo a nna mo Afrika Borwa
- o tshwanetse a bo a na le dingwaga di le 60 le go feta kgotsa a na le bogole;
- o tshwanetse a bo a lole mo Ntweng ya Bobedi ya Lefatshe kgotsa Ntwa ya Korea;
- ene le molekane wa gagwe ba tshwanetse gore lotseno la bone lo tsamaisane le Lenaane la Lotseno
- o tshwanetse a bo a sa amogele thuso e nngwe ya madi ya puso e le ya gagwe ka sebele;
- o tshwanetse go neelana ka bukana-boitshupo ya baakhouto ya dinomoro di le 13.
ThusoyaPusogobanabaeleng dikhutsana
- modirakopo le ngwana ba tshwanetse ya bo e le baagi ba Afrika Borwa;
- modirakopo o tshwanetse a bo na le taelo ya kgotla-tshekelo e e supang maemo a tlhokomelo e e seng ya tsalo;
- motsadi yo o tlhokomelang ngwana o tshwanetse a bo a le moagi wa Afrika Borwa, yo o nang le tetla ya go
nnela ruri mono kgotsa a le motshabi;
- Ngwana yo, o tshwanetse go nna ka fa tlase ga tlhokomelo ya motsadi /batsadi ba ba mo tlhokomelang
- motsadi wa motlhokomedi o tshwanetse go neelana ka bukana-boitshupo ya baakhouto ya dinomoro di le 13;
- motsadi wa motlhokomedi o tshwanetse go neelana ka lokwalo la matsalo la ngwana wa khutsana.
Thusoyamadiepusoee nayang batlhokomedi
- Modirakopo
- o tshwanetse a bo a le moagi wa Afrika Borwa kgotsa e le motho yo o nang le tetla ya go nnela ruri mono / motshabi;
- le ngwana ba tshwanetse ba bo ba nna mo Afrika Borwa;
- dingwaga tsa ngwana di be di le kafa tlase ga tse 18;
- o tshwanetse go naya pego ya ngaka / ya tshekatsheko e e netefatsang gore ngwana o na le bogole jo bo sa foleng,
jo bo tseneletseng;
- mokopi le mogatse, ba tshwanetse gore lotseno la bone lo tsamaisane le Lenaane la Lotseno (ntle le fa e le malebana le batsadi ba ba tlhokomelang dikhutsana);
- ngwana/bana ba ba tlhokomelwang ga ba tshwanela gore ba bo ba tlhokomelelwa ruri mo setheong sa puso;
Tlhokomediso:Lotseno la batsadi ba ba tlhokomelang ngwana wa khutsana ga le na go tsewa tsiya.
Thusoya Puso go Tlhokomela Bana
- Motlhokomedi wa konokono o tshwanetse go bo a le moagi wa Afrika Borwa kgotsa e le motho yo o nang le tetla ya go nnela mono ruri;
- mokopi gammogo le ngwana ba tshwa-netse ba bo ba nna mo Afrika Borwa;
- ngwana kgotsa bana ba tshwanetse gore ba bo ba bonwe morago ga 31 Sedimonthole 1993;
- ngwana / bana ba tshwanetse ba bo ba le dingwaga tse di kwa tlase ga tse15;
- mokopi le mogatse ba tshwanetse gore lotseno la bone lo tsamaisane le Lenaane la Lotseno;
- mokopi ga a tshwanela go dira kopo ya bana ba e seng ba gagwe tota, ba feta ba le 6;
- Go tshwanetse go itswile gore maikemi-setso a tlhokomelo ya madi ya bana ke go dira gore bana ba kgone go tsena sekolo go fitlhelela ba fetsa. Ka gone ke thlokego gore setifikiti sa go tsena sekolo se tlhagiswe fa bana ba dingwaga tse gareng ga 7 le 18 ga ba dira kopo. Le gale setifikite sa go tsena sekolo ga nkitla go dira gore ngwana a
tlhoke go amogela thuso ya loago ya bana.
Thusoyapusogothusamothoyoo tlhokang thuso ya yo mongwe
- Mokopi o tshwanetse a bo a setse a amogela thuso ya puso ya bagodi kgotsa bagale ba ntwa kgotsa banalebogole.
mme a tlhoka go tlhokomelwa ka dinako tsotlhe ke motho yo mongwe ka baka la bogole jwa gagwe jwa mmele
kgotsa tlhaloganyo;
- ga a tshwanela go bo a tlhokomelelwa ruri mo setheong sa puso go tlhokomelwa kgotsa go dudisa mokopi wa go
nna jalo;
Boitshupo
Bakopi ba ba senang bukana-boitshupo ya baakhouto ya dinomoro di le 13, kgotsa lekwalo la matsalo la bana ba ba kopelwang thuso, ba santse ba ka kopa thuso mo pusong.
Tsweetswee bona tshedimosetso kwa ofising ya SASSA e e gaufi le wena, ka ga ditokomane disele tse di amogelesegang fa o sena bukana-boitshupo.
OdirakaeKopoyaThusoya Puso?
- O isa kopo kwa ofising ya SASSA e e gaufi le fa o nnang teng;
- Fa e le gore o godile thata kgotsa o lwala thata mme o retelelwa ke go ya kwa ofising go ya go dira kopo ya thuso,
leloko la lelapa kgotsa tsala e ka go direla kopo;
- Foromo ya gago ya kopo e tla tladiwa fa pele ga modiri wa SASSA;
- Fa foromo ya kopo ya gago e sena go tladiwa, o tla newa sesupo sa gore o dirile kopo;
- Boloka sesupo seno – ke sone fela bosupi jwa gago jwa gore o dirile kopo;
- Ga o tlhoke go duela madi ape go dira kopo;
LetlhalaNeoya Dithuso
Fa kopo ya gago e atlegile, o tla duelwa go simolola ka letlha le o dirileng kopo ka lone. Thuso ya go tlhokomela ngwana
wa khutsana e duelwa go tloga Letlha le Kgotla e neetseng tetla go motsadi go tlhokomela ngwana yoo.
FaKopoyaGagoyaThusoe sa Atlega
- Fa kopo ya gago ga e sa atlega kwa SASSA, o tshwanetse go itsisiwe ka lekwalo mme o fiwe mabaka a gore goreng kopo ya gago e sa atlega.
- O nale tshwanelo ya go ikopela gore kopo ya gago e sekasekiwe sesha gape mme o dire seno mo malatsing a le 90.
- Fa tshekatsheko e boa entse e sa atlega sa Bobedi go tswa go SASSA, o na le
tshwanelo ya go ikuela go Tona ya
Tlhabololo ya Loago ka lekwalo. Mo lekwalong, o tlhalose gore goreng o sa dumalane le tshwetso e tshotsweng
kgatlhanong le kopo ya gago. Boikuelo bo tshwanetse go dirwa mo malatsing a le 90 morago ga go amogela kitsiso ya karabo ya kopo ya gago
Ditselatsagoduelwa
O ka amogela thuso ya gago ka karata ya SASSA. Fa o eletsa jalo, dirisa mekgwa e mengwe ya tuelo jaaka:
- Madi a seatleng a duelwang kwa mafelong-borekisetso a a tlhophilweng
- Dibanka go akaretsa Postbank; kgotsa
- Ko ditheong tse dingwe
Tlhokomediso: Fa e le gore ga o kgone go tsaya thuso ya gago ya pusoka bowena, o ka nna wa tlhopha moemedi go go tseela yone.
GoEmisiwagaDithusotsa Puso
Tse di latelang di ka nna tsa dira gore thuso ya puso e emisiwa:
- diphetogo tsa maemo (tsa lotseno kgotsa tsa ngaka);
- dipholo tsa tshekatsheko;
- go tlhoka tirisano ka nako e thuso ya puso e sekasekiwang;
- Go nna le seabe mo tiragalong ya bonweenwee le go se bue nnete ka maemo a gago
- Mo kopo ya thuso ya puso e ileng ya amogelwa ka phoso
GoBusediwaGaDithusoTsa Puso
- Go tshwanetse ga dirwa kopo ya go busetsa thuso ya puso mo malatsing a a 90 morago ga go emisiwa ga yone.
MabakaaKonokonoagoFelaga Dithuso tsa Madi tsa Puso
- loso;
- go amogelwa kwa Setheong sa Puso;
- Fa e le gore thuso ya madi ga e tsewe mo dikgweding tse 3 tse di latelelanang;
- fa ele gore sebaka sa go sa itekanelang ga nakwana mo mmeleng se fedile;
- fa o seyo mo Ripaboliking;
- Fa o sa tlhole o le motshabi (thuso ya madi a puso ya bogole le bana ba ba tlhokomelwang fela)
Ditshekatsheko
O tshwanetse go bolela gore lotseno la gago ke bokae ka nako ya go dira kopo. Seno e tla nna motheo wa gore SASSA e dire tshwetso ya gore a thuso ya puso ka madi e tshwanetse go sekasekiwa. O tla itsisiwe dikgwedi di le 3 pele ga nako ka ga letlha la tshekatsheko kgotsa letlha le setifikeiti sa botshelo se ka bonwang ka lone.
GoNamolwagaBathomo Kgatelelong tsa botshelo
Thuso ya go namolwa ga batho mo kgatelelong ke thulaganyo ya nakwana ya go thusa e boikaelelo jwa yone e leng go thusa batho ba ba nang le letlhoko le legolo mo ba sa kgoneng go kgotsofatsa ditlhoko tsa bone kgotsa tsa bamalapa a bone tsa motheo fela. Go Namolwa ga Batho mo Kgatelelong go amogelwa ke baagi ba Aforika Borwa kgotsa baagedi ba leruri ba yone, ba ba senang ditsompelo tse di lekaneng mme ba tshwanelega go ya ka maemo a le mangwe kgotsa go feta a a latelang:
- Mokopi a letile gore kopo ya gagwe ya
thuso ya puso ka madi e amogelwe;
- Mokopi a fitlhetswe a sa itekanela go ya ka bongaka gore a ka dira tiro e e duelelwang mo nakong ya kgwedi tse di ka fa tlase ga tse thataro
mo sebakeng sa dikgwedi tse di kwa tlase ga tse thataro;
- Go sa amogelwe madi ape a tlamelo go tswa go motsadi, ngwana kgotsa mogatsa-motho yo ka molao a tlamegang go ntsha madi a tlamelo; le bosupi jo bo ntshitsweng jwa gore maiteko a a dirilweng go e bona ga a atlega.
- Motlamedi wa konokono a tlhokafetse mme kopo e dirilwe mo kgweding tse tharo morago ga letlha la loso;
- Motlamedi wa konokono wa lelapa la motho yoo a robaditswe kwa setheong
se se tlamelwang ke Puso ka madi (kgolegelo, kokelo ya malwetse a tlhaloganyo, legae la puso la batho ba ba tsofetseng kgotsa tikwatikwe ya kalafi)
- Mokopi a amilwe ke matlhotlhapelo mangwe jaaka a a tlhalositsweng mo go Disaster Management Act, 2002
- Motho a sa bone thuso go tswa mokgatlhong ope fela, kgotsa
- Go sa amogelwe ga kopo ya go thuso ya go namolwa ga batho mo kgatelelong go tla baka mathata a a sa amogelesegeng.
SebakasagoNamolwagaBathomo Kgatelelong
Namolo ya Batho mo Kgatelelong e abiwa kgwedi le kgwedi mo sebakeng sa bobotlana kgwedi tse tharo. Koketso ka dikgwedi tse dingwe tse tharo e ka nna ya dirwa mo mabakeng a a sa tlwaelegang.
Tlhokomediso:Ga go na motho ope yo o amogelang thuso ya puso ka madi yo o ka amogelang madi ya thuso ya puso le go namolwa ga batho mo kgatelelong ka nako e le nngwe. Motho ope fela yo o amogetseng ka bobedi madi a go namolwa ga batho mo kgatelelong le thuso ya puso ka madi o tshwanetse go busa madi ao a go namolwa ga batho mo kgatelelong. One a tla gogwa mo dituelong tsa thusong ya madi ya puso tse di latelang.
Boikarabelojwa baamogedi
Ke boikarabelo jwa baamogedi ba dithuso tseno go nna ba itsise SASSA kaga diphetogo mo maemong a bone le ditsela tsa go itshedisa.
Bogotswana
SASSA ga e letlelele ka gope ditiro tsa bogotswana.
Tlhatlhoboyaditselatsago itshedisa ke eng?
Mo Afrika Borwa thuso ya batho e tshwanetse go tlhatlhobelwa ditsela tsa go itshedisa se se kayang gore SASSA e
sekaseka lotseno le dithoto tsa motho yo o dirang kopo ya thuso. Se e le gore go tlhomamisiwee gore a tsela ya go itshedisa ya motho e kwa tlase ga madi a boletsweng
kgotsa nnyaa. Tlhatlhobo e ya tsela ya go itshedisa ke tsela ya go tlhomamisa gore a motho o tshwanelegela go amogela thuso ya puso ka gonne dithuso tsa puso tota ke tsa batho ba ba senang tsela e e lekaneng ya go itshedisa. Tlhatlhobo eno ya go itshedisa e farologane go ya ka dithuso tsa puso ka madi ka go farologana ga tsone.
Tlhokomediso: Dithuso tsa puso tsa batsofe, bagale ba ntwa le bogole di duelwa go ya ka bokgoni, ga o na le letseno le o le amogelang, o tla amogela thuso e potlana go tswa ko posong.
DithotoleMadi ago Simololwangka onele Lotseno
DithototsaNtlha | Jaakaka01 Diphalane2019 | |
DithusotsapusokamaditsaBatsofe, Dithusotsapusokamaditsabogolele dithuso tsa puso ka madi tsa bagale be ntwa) | ||
Motho yo o seng mo nyalong | R 1 174 800 | |
Motho yo o mo lenyalong | R 2 349 600 | |
Lotsenolegosimololwangkalone (MadiaNgwaga) | ||
(DithusotsaPusokaMaditsaBagodi, DithusotsaPusokaMaditsabogolele Dithuso tsa Puso ka Madi tsa Masole bagale bantwa) | ||
Motho yo o seng mo nyalong | R | 82 440 |
Motho yo o seng mo Lenyalong | R | 164 880 |
Thusoyamadiepusoeenayanggo tlhokomelabana: | ||
Thuso ya madi e puso e e nayang bana: (Motho yo o seng mo nyalong) | R | 50 400 |
Thuso ya madi e puso e e nayang bana: (Motho yo o mo lenyalong) | R | 100 800 |
Thusoyapusokamadiyabatlhokomedi: | ||
Thuso ya puso ka madi ya batlhokomedi (motho yo o seng mo nyalong) | R | 213 600 |
Thuso ya puso ka madi ya batlhokomedi (Motho yo o mo lenyalong) | R | 427 200 |
Madia Thuso ya Puso
Mofutawa Thuso | MadiaaNengaDuelwagosimolola ka Moranang ale01 2018 | MadiaaNengaDuelwagosimolola ka Diphalane ale01 2019 | MadiaaNengaDuelwagosimolola ka Moranang ale01 2019 |
Thuso ya puso ka madi ya Batsofe | R1 700.00 | R1 780.00 | |
Thuso ya puso ka madi ya Batsofe ba dingwaga tse 75 kgotsa go feta. | R1 720.00 | R1 800.00 | |
Thuso ya puso ka madi ya Banalebogole | R1 700.00 | R1 780.00 | |
Thuso ya puso ka madi ya masole a bogologolo | R1 720.00 | R1 800.00 | |
Thuso ya puso ka madi ya go thusa; | R 410.00 | R 420.00 | R 430.00 |
Thuso ya puso ka madi ya go tlhokomelo ya bana | R 410.00 | R 420.00 | R 430.00 |
Thuso ya puso ka madi ya go tlhokomela ba bana ba ruilweng | R 960.00 | R 1 000.00 | |
Thuso ya puso ka madi ya batlhokomedi | R 1 700.00 | R1 780.00 |